Heath Burns o itsege kwa Monster High School e le The Hot Boy. Mme e le ka lebaka le le utlwalang ka gonne moriri wa gagwe o tuka molelo fa a itumetse thata ka sengwe, mme gape o etsima molelo. Ke ntsalae Jackson Jekyll. Heath o tshameka mo setlhopheng sa Monster High sa mabelo mme ditsala tsa gagwe tse di gaufi ke Clawd Wolf, Deuce Gorgon, le Slo Moe. Draculaura o ne a mo rata ka nakwana mme ga go a tsaya lobaka lo loleele ka gonne o ne a bona gore o ikgodisa thata. Gape o rata go kgatlha thata Frankie Stein mme ene ga a mo kgatlhegele le ka motlha.